Revelation of John 12

Mosadi le Sebatana se se boitshegang

1Mme ga bonala sesupo se segolo mo legodimong, se supa dilo tse di tlaa tlang, ka bona mosadi a apere letsatsi, go na le ngwedi ka fa tlase ga dinao tsa gagwe, le serwalo sa dinaledi di le lesome le bobedi mo tlhogong ya gagwe. 2O ne a le moimana mme a lediwa ke ditlhabi tsa pelegi ya gagwe, a letetse go belega.

3Ka tshoganetso ga bonala kgogela e khibidu, e na le ditlhogo di supa le dinaka di le lesome, le dirwalo di supa mo tlhogong ya bone. 4Mogatla wa yone o ne o goga karolo ya boraro ya dinaledi, tse e neng ya di latlhela mo lefatsheng. Ya ema fa pele ga mosadi jaaka a ne a tloga a belega, e ipaakanyeditse go kometsa losea fa lo tsholwa. 5Mme a tshola ngwana wa mosimane yo o neng a tshwanetse go busa dichaba tsotlhe ka letsogo le le bokete, mme a phamolelwa kwa Modimong le kwa setilong sa one sa bogosi. 6Mosadi a siela mo sekakeng, kwa Modimo o neng o mmaakanyeditse bonno teng, go mo tlhokomela selekanyo sa malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le borataro.

7Mme ga nna ntwa mo legodimong; Mikaele le baengele ba gagwe ba lwantsha kgogela le baengele ba yone ba ba neng ba digelwa mo lefatsheng. 8Mme kgogela ya fenngwa ya lelekwa kwa legodimong. 9Kgogela e kgolo e, ebong noga ya bogologolo e e bidiwang diabolo, kgotsa Satane, ene yo o tsietsang lefatshe lotlhe, o ne a latlhelwa mo lefatsheng le mophato wa gagwe otlhe.

10Mme ka utlwa lentswe le goela kwa godimo le kgabaganya magodimo le re, “Go diragetse kwa bofelong! Poloko ya Modimo le nonofo le puso, le taolo ya ga Keresete Morwa one gompieno di tsile; gonne mopateletsi wa bakaulengwe ba rona o latlhetswe kwa lefatsheng a tswa mo legodimong, yo o ntseng a ba pateletsa bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona. 11Ba mo fentse ka madi a Kwana, le ka bosupi jwa bone; gonne ga ba a ka ba rata matshelo a bone mme ba a itatola ka ntlha ya gagwe. 12Ke gone ipeleng, magodimo! Lona banni ba legodimo, ipeleng! Itumeleng! Mme a bo go latlhega lona batho ba lefatshe, gonne diabolo o tsile mo go lona ka bogale jo bogolo, a itse gore o na le nako e nnye.”

13Mme erile fa kgogela e bona e latlhetswe mo lefatsheng, ya bogisa mosadi yo o tshotseng ngwana wa mosimane. 14Mme mosadi a bo a neilwe diphuka tse pedi tse di tshwanang le tsa ntsu yo mo tona, go fofela kwa sekakeng kwa lefelong le a le baakanyeditsweng kwa o neng a tlhokomelwa teng a bo a sirelediwa mo nogeng, ebong kgogela, selekanyo sa dingwaga tse tharo le sephatlo.

15Mme mo leganong la noga metse a mantsi a hulegela kwa mosading e le go leka go mo tsaya; 16mme lefatshe la mo thusa ka go atlhamologa la metsa metse otlhe a a tswang mo kgogeleng.

17Hong kgogela e e gaketseng ya bolola go ya go tlhasela bana ba mosadi ba ba setseng, botlhe ba ba neng ba tshegeditse ditaolo tsa Modimo le go ipolela gore ke ba ga Jesu. Ya ema e letile mo moshaweng wa lewatle.
Copyright information for TsnLEF